
Seane: Lebitla la mosadi ke bogadi
Seane se se reng ‘Lebitla la mosadi ke bogadi’ se tsweledisa dingwao le ditlwaelo.
Tse di dirang gore go belaelwe gore a go na le kgatelelo le tekatekano.
Seane seno se gatelela kafa mosadi a leng botlhokwa ka teng mo lelapeng la monna wa gagwe.
Tota le fa a setse a tlhokafetse o santse a le botlhokwa , mme se tlhomamisa gore lenyalo ke kgolagano e e nnelang ruri.
Kafa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ka tsaya seane seno e le tsela ya go naya basadi seriti.
Go ba naya seriti ka tsela ya setso.
Mme gape go ka baka kgatelelo ya maikutlo ka ntlha ya ditiro tse di amanang le bogadi.
Mo nakong eno, batho ba le bantsi ba tlwaetse go nna ba tshwenyegile ka diphetogo tse di dirwang.
Malebana le go lekalekana ga batho le go tokafadiwa ga ditshwanelo tsa basadi.
Seane se ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng go ikaegile ka tsela e motho a lebang dilo ka yone le maemo a setšhaba.
O akanyang ka tlhotlheletso e ngwao le seane se nang le yone mo go se se buiwang ka basadi?
BUISA GAPE: Moaparo Basadi le basetsana ba Ba-Ndebele
Motswedi: https://bathobagotumasetso.co.za/2025/04/09/lebitla-la-mosadi-ke-bogadi/
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
