MaZulu: Lotso lwa bone

MaZulu a ipitsa ‘batho ba legodimo’ mme ke morafe o mogolo go gaisa mo Afrika Borwa.

Morafe o o nang le baagi ba ka nna dimilione di le 10 ba MaZulu kwa KwaZulu-Natal.

SeZulu ke puo ya MaZulu mme baagi ba ka nna dimilione di le 10 ba bua puo eno ka thelelo.

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga di ne tsa kopanngwa go nna bogosi jo bo eteletsweng pele ke Shaka.

Morago ga loso lwa ga rraagwe, Senzangakhona.

Shaka o ne a amogela boeteledipele jwa setlhopha sa MaZulu se ka nako eo se neng se na le batho ba le 1 500.

Ka fa tlase ga puso ya gagwe go tloga ka 1816 go fitlha ka 1828, masole a le 50 000 a ne a tlhagelela.

mme a fenya merafe e mengwe.

Shaka o ne a tlhama maano a mantsi a sesole go fenya mmaba.

O ne a tlhama ‘Assegai’ (tÅ¡haka e khutshwane e e bogale e e neng e tlhaba) le tsela e e bolayang e sebetsa seno se neng se dirisiwa ka yone.

Gape Shaka o ne a latlha bompaatšhane ba gagwe ba letlalo la kgomo.

Ka gonne ba ne ba mo kgoreletsa go tsamaya.

O ne a itshupa e le moeteledipele yo o botlhale wa sesole mme go ise go ye kae o ne a nna kotsi mo morafeng wa gaabo.

Morago ga loso lwa ga mmaagwe, Nandi, o ne a latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Mo nakong ya khutsafalo ya gagwe, Shaka o ne a bolaya makgolokgolo a Ba-Zulu.

Buisa Gape:BaSwazi: Lotso lwa bone

Source:http://Krugerpark.co.za

Translator: Onkarabile Manganye