
Dikarolo tsa konokono tsa go hutsafalela Ba-Zulu:
Tseno ke tse dingwe tsa dikarolo tsa go hutsafalela Ba-Zulu.
Go Nna o Thantse:
Ditsala, ba losika le baagelani ba phuthega mo legaeng leo go tla go dira tirelo ya bosigo jotlhe ya go rera, go opela le go bua go tlotla moswi.
Le go ema lelapa le le hutsafetseng nokeng.
Go Baakanyetsa Phitlho:
Setopo sa moswi se a baakanngwa le go phepafadiwa ka meetlo ya setso pele ga se isiwa kwa lebitleng.
Lefelo la Lebitla:
Lefelo la phitlho, ka tlwaelo ke lefelo la dikgomo, ke sesupo sa maemo a loago a moswi, ka tlhogo ya lelapa e e fitlhilweng kwa godimo ga lefelo la phitlho.
Dijo Tsa Phuthego:
Fa lebitla le ntse le epiwa, basadi ba basha ba baakanyetsa batho ba ba hutsafetseng dijo, ba dira gore go nne le kutlwano le go thusana.
Go Obamela Bagologolwane:
Ba-Zulu ba dumela gore go na le lefatshe la semoya le mo go lone bagologolwane, ba bidiwa amadlozi le abaphansi.
Ba dirang jaaka batsereganyi fa gare ga batshedi le lefatshe la meya.
Meetlo le Ditlhabelo:
Bagologolwane ba tlotliwa ka ditshupelo le ditlhabelo, tse di jaaka biri e e itiretsweng mo gae le diphologolo tse di tlhabilweng, go batla masego le kaelo.
Go Dumela mo Botshelong Morago ga Loso:
Loso lo lejwa e le go fetela mo go nneng le kamano e e boteng le popo yotlhe, mme go dumelwa gore baswi ba tswelela pele ka loeto lwa bone mo lefatsheng la meya.
Go phepafatsa:
Go dirwa mofuta mongwe wa go phepafatsa go tlosa seo go tsewang gore ke go tshwaetsa ga loso.
Moaparo wa Setso:
Gantsi batho ba ba hutsafetseng ba apara diaparo tsa setso.
Diaparo tse di nang le mebala e e rileng le matshwao a a amanang le khutsafalo.
Dinako Tsa go Hutsafala:
Nako e e neng e akantshiwa ya go hutsafalela motsadi kana ngwana e ne e le ngwaga.
Dikgwedi di le thataro go ya go di le robongwe mo go rremogolo kana mmèmogolo, le dikgwedi di le thataro mo go bomonnawe kana bomonnawe.
Buisa Gape:MaZulu: Lotso lwa bone
Source:http://Krugerpark.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
