Lucas Mangope le Bophuthatswana

Lucas Mangope o ne a tsholwa ka 1923 mo lelapeng le le neng le busa bogologolo la dikgosana.

Mme fa a ne a le dingwaga di le 21 o ne a nna moeteledipele wa kgaolo ya Mathlathowa.

Fa rraagwe a tlhokafala ka 1959 Mangope o ne a nna moeteledipele wa morafe wa Motswedi-Barutshe-Bu-Manyane.

Mme a tsena mo pusong ya kgaolo ya Zeerust.

1961 Mangope o ne a nna motlatsa-modulasetulo wa botsamaisi jwa kgaolo ya Batswana.

Ka 1968 o ne a nna khanselara e kgolo ya khansele ya khuduthamaga.

A nna mo maemong a go fitlha a dirwa tona wa ntlha wa Bophuthatswana ka 1972.

Morago ga go etela kwa Amerika ka 1972 Mangope o ne a bolela gore o batla tekatekano ya loago le ikonomi mo Afrika Borwa.

Eno e ne e le kakanyo e a neng a sa e tshegetsa pele ga 1973.

Mangope o ne a tlogela Bophuthatswana National Party.

A nna moeteledipele wa BDP ka 1974.

Ka 1975 o ne a nna tona wa puso.

BDP e ne ya tsaya puso kwa Bophuthatswana ka 1977 fa go ne go itsisiwe boipuso.

Mo ditlhophong tsa ntlha morago ga boipuso, BDP e ne ya fenya ka bontsi.

Diphalane 1985 Mangope o ne a tswala Yunibesiti ya Bophuthatswana mme e ne ya bulwa gape.

Ka November 1985 dikhuduego tsa selegae di ne tsa anama kwa Bophuthatswana.

Ka 1986 Mangope o ne a ithaopela go nna motsereganyi fa gare ga ANC le puso ya Afrika Borwa.

ANC e ne ya araba ka gore ga e batle go dirisana le Mangope.

Motsweedi: O’Malley the heart of hope

Translator: Onkarabile Manganye