
Lotso lwa Bakwena
Bakwena ba simologile ka Kwena yo o neng a tshela mo e ka nnang ka 1450.
Kwena o ne a tshola barwa ba le bararo: Kgabo, Ngwato le Ngwaketsi.
Kgabo o ne a na le morwa a le mongwe e bong Masilo II (yo gape a itsegeng e le Mosito).
Masilo II o ne a na le barwa ba le babedi, Motjhudi (Mokotedi) le Napo, rraagwe Motebang, Disema le Molapo.
Motebang o ne a nna kwa Tebang, gaufi le Heildelberg ya segompieno.
O ne a tlhatlhamiwa ke morwawe Molemo.
Morago ga loso lwa ga Molemo, barwa ba gagwe e bong Tsholo le Tsholwane ba ne ba tswa mo lefelong leo.
Ba ne ba tlhatlhamiwa ke barwa ba bone e bong Tshotelo le Kadi (Monaheng).
Ba ne ba nna gaufi le Bethelehema ya segompieno koo ba neng ba nna mmogo le Bafokeng wa Mangole.
Moragonyana, Monaheng o ne a nna kwa Fothane gaufi le Fouriesburg.
O ne a fenya Bafokeng wa Komane le batho bangwe ba Ba-San ba ba neng ba setse ba nna mo lefelong leo.
Moragonyana o ne a kopana gape le Tshotelo. Monaheng o ne a tlhoma Tshotelo kwa Kaffir Kop, gore a buse kafa tlase ga taolo ya gagwe.
Batho ba Tshotelo (ba itsege gape jaaka Bamodibedi), le fa ba ne ba le bagolo mo bathong ba Monaheng (Bamonaheng) ka tsalo.
Ba ne ba nna ka fa tlase ga bone go ya ka maemo a setso a boeteledipele. Bamonaheng o ne a fuduga go tswa kwa Fouriesburg a kgabaganya Noka ya Caledon go ya kwa Lesotho wa segompieno.
BUISA GAPE: Mainane| kanelo ya batswana
Motswedi: http://cogta.fs.gov.sa
Thanolo ka ga Onkarabile Manganye
