Ka ga maXhosa

MaXhosa ke mongwe wa merafe e le menne, e e bidiwang Nguni, e e fitlhelwang mo Afrika Borwa.

Tse dingwe tse tharo ke maNdebele, maSwazi le maZulu.

MaXhosa ba ne ba nna kwa Kapa Botlhaba mme fa nako e ntse e tsamaya ba anamela kwa Kapa Bophirima.

Setšhaba sa maXhosa se dirilwe ka merafe le ditso.

Ditso ke ditlhopha tsa malapa a a nang le maina a a sa tshwaneng mme a na le leina le le tshwanang la lotso.

Ka sekai, Radebe ke leina, mme  lotso lo bidiwa AmaHlubi.

Leina la morafe ke leina la mogologolwane wa ntlha kgotsa lelapa le le tsetseng morafe.

Ditso di bopa merafe mme merafe yone e bopa ditšhaba.

Se-Xhosa ke puo e e buiwang e bile e na le ditlhaka tse di supang gore go na le sengwe se gatelediwang, ka sekai X, Q, KR le CG.

Mo puong ya Seesemane ke ditlhaka tse di supang gore go na le sengwe se segatelediwang.

Go anela dipolelo go na le seabe se segolo mo setsong, e bile le mmino ke mofuta mongwe wa go anela dipolelo.

Mmino wa Se-Xhosa ke selo se se gakgamatsang, segolobogolo mofuta wa one wa go bina o o bidiwang umtyityimbo.

O o tlhokang gore batho ba ba o binang ba dire gore dikarolo tsa bone tsa mmele tse di kwa godimo di rorome le go roroma fa ba ntse ba bina.

Buisa Gape:Ka ga Batswana

Source:southafrica.net

Translator: Onkarabile Manganye