Ka ga ba Tsonga

Batho ba ntlha ba ba neng ba bua se Tsonga go tsena mo go se pele e neng e le Transvaal.

Gongwe ba ne ba dira jalo mo lekgolong la bo 18 la dingwaga.

Totatota e ne e le bagwebi ba ba neng ba tsamaya mo dinokeng ba tsena mo nagen.

Koo ba neng ba ananya matsela le dibaga ka dinaka tsa tlou, kopore le letswai.

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1820.

Ba ne ba kopana le ba bangwe ba ba buang dipuo tse di tshwanang ba ba neng ba kgoromediwa go tswa kwa lotshitshing ke batlhasedi ba Ba-Nguni.

Ka nako eno ba Tsonga ba ba neng ba nna mo dipoeng tsa lewatle ba ne ba bopa setlhopha sa batho.

Ba ba amanang ka puo ba ba neng ba na le dingwao di le mmalwa tse di farologaneng.

Mme ba se na boitshupo bo le bongwe jo bo laolang.

Ditlhopha tsa bone tse dinnye di ne di ka kgona go emelana le Ba-Nguni.

Ba-Nguni ba ba neng ba ba tlhasela ka selekanyo se sennye fela.

Setlhopha sa bofelo sa Nguni go tla mo lefelong leo e ne e le masalela a sesole sa Ndwandwe.

Ka fa tlase ga Shoshangane, se se neng sa tlhaselwa ke Shaka le masole a gagwe a MaZulu mo dintshing tsa Noka ya Mhlatuze, gaufi le Ulundi ya gompieno.

Batshabi bano ba ne ba nna go bapa le Noka ya Tembe, kwa borwabotlhaba jwa se gompieno e leng Swaziland.

Mme go ise go ye kae ba ne ba simolola go tlhasela ba Tsonga.

Ba ya kwa bokone ka bonya go ya kwa Mokgatšheng wa Limpopo.

Go ne ga nna le kagiso fa Ba-Ndwandwe, ba ne ba simolola go akaretsa ba Tsonga mo gare ga bone.

Buisa Gape: Ka ga maXhosa

Source:http://southafrica.co.za

Translator: Onkarabile Manganye