
Ba-Ndebele ke bomang?
Le mororo go sa itsiwe gore Ba-Ndebele ba Afrika Borwa ba tswa kae.
Ba ile ba lemogiwa e le bangwe ba merafe ya Ba-Nguni.
Merafe ya Nguni e emela mo e ka nnang pedi-tharong ya batho-bantsho ba Aforika Borwa.
Mme e ka aroganngwa ka ditlhopha tse nne tse di farologaneng; Nguni ya Bogare (batho ba ba buang Sezulu), Nguni ya Borwa (batho ba ba buang Se-Xhosa), batho ba Swazi go tswa kwa Swaziland le mafelo a a mabapi le batho ba MaNdebele ba Porofense ya Bokone le Bophirima.
Ditlhopha tseno tsa Ba-Ndebele di ne di sa kgaoganngwa fela ke lefelo le ba neng ba nna mo go lone.
Mme gape di ne di kgaogantswe ke go farologana ga dipuo le ditso tsa bone.
MaNdebele a kwa Bokone a ne a bopilwe thata ke merafe ya BagaLanga le BagaSeleka.
Ba ne ba amogela puo le setso sa baagisani ba bone ba Basotho.
MaNdebele a Bokone ba ne ba nna mo kgaolong e e simololang kwa toropong ya Warmbaths kwa borwa.
Go fitlha kwa Nokeng ya Limpopo kwa bokone le go tswa mo molelwaneng wa Botswana kwa bophirima go fitlha kwa molelwaneng wa Mozambique kwa botlhaba.
Le fa go ntse jalo, di ne di le mo dikgaolong tsa Pietersburg, Bakenberg le Potgietersrus.
Mpumalanga, e bontsi jwa yone bo leng mo lefelong le le itsegeng e le Lowveld, e simolola kwa toropong ya Piet Retief kwa borwa go fitlha kwa Lydenburg / Pilgrim’s Rest kwa bokone.
Le go tswa kwa ditoropong tsa Witbank le Groblersdal kwa bophirima go fitlha kwa molelwaneng wa Mozambique kwa botlhaba.
Springbok Flats e ne e kgaoganya Ba-Ndebele ba Bokone le ba ba kwa botlhaba.
BUISA GAPE:Thutodinaledi ya Batswana
Source:http://Krugerpark.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
