
Dikgosi – Seabe sa Kgosi mo merafeng ya Batswana
Mo setsong sa Batswana, Dikgosi di tshameka karolo e e botlhokwa mo go eteleleng morale wa bona pele.
Ba tlotliwa jaaka batlhokomedi ba ngwao, molao, le go tlhabolola setšhaba.
Ke maikarabelo a Kgosi go rarabolola dikgotlhang, go baakanya meletlo ya setso, le go netefatsa gore ngwao wa tlotlomatsiwa.
Mo malobeng, ba ne ba etelela batho ba bone pele mo dinakong tsa ntwa ebe ba sireletsa naga ya bone.
Kgotla ke lefelo le Kgosi e kopanang le morafe wa yona.
Mo, maloko a setšhaba a a kopana go tlotla ka dikgang tse botlhokwa. Ditshoetso di diriwa mmogo, mme mongwe le mongwe o dumeletswe go ka bua.
Mokgwa ona wa temokerasi ontse ole karolo ya setso sa Setswana mo makgolong a dingwaga.
Le gompieno, dikgosi di santse di nale thlotheletso mo Botswana wa gompieno le Aforika Borwa.
Le fa jaanong dipuso di nale thulaganyo tsa semolao, Kgotla e santse ele lefelo le go diriwang toka ya setso.
Batho ba le bantsi ba rata go rarabolola dikgotlhang kwa Kgosing go nale dikgotlhatshekelo tsa semmuso.
Tlotlo e e bontshiwang Dikgosi ke segopotso sa ka moo ngwao wa setswana o ikaegileng mo boeteledipeleng le mo kutlwanong.
BUISA GAPE: Bogadi – Ngwao wa dituelo tsa ngwetsi
Ga se babusi fele, ke matshwao a botlhale, historical, le maatla a setšhaba.
