Mainane| kanelo ya batswana

Go ya ka hisetori mainane (dipolelo tsa Setswana) jaaka dipolelo tse dingwe tse dintsi lefatshe ka bophara di dirisitswe go dira ditiro tse di farologaneng.

Ka kakaretso, dipolelo ke pego ya batho, ditiragalo, mafelo, jj. e e fetisediwang ka molomo “kwa ntle ga gore batho ba ba re nayang tshedimosetso ba kgone go tlhatlhoba gore e tswa kae”.

Ditlhamane tseno ka Setswana di bidiwa mainane.

Mme gantsi di ne di bua ka batho le diphologolo fa di ne di sa ntse di kgona go bua.

Ka diganka tse di neng di ja batho.

Ka meya e e neng e ba tshwenya kgotsa e ba thusa.

Ditiragalo tsa metlha e e fetileng.

BUISA GAPE: Dikgosi: Botlhokwa ba tsone mo metseng ya baZulu

Mo mabakeng a le mantsi, bana ba ne ba gakologelwa dipolelo tseno go fitlha le bone ba tsofala.

Le bone ba ne ba di bolelela ditlogolwana tsa bone.

Le fa go ntse jalo, gantsi ditlhamane tseno di ne di bolelelwa bareetsi ba bontsi jwa bone e neng e le bana ke bagodi.

Kwa Botswana basadi ba ba tsofetseng ke bone ba ba nang le bokgoni jwa go bua dikgang tseno le fa le banna ba a tle ba anele.

Eno ke tiro e e rategang thata ya go diragatsa.

Go anela dikgang gantsi go tsewa e le selo se se ratiwang thata.

Se se ratiwang thata go na le go nna moitseanape wa botaki.

Kwa Botswana, batho ba le bantsi ba dira tiro eno, segolo thata mo metseng.

E bile e itumelelwa ke malapa mo sephiring.

Motswedi: journals.co.za

Thanolo ka ga Onkarabile Manganyw