
Monyadi le monyadiwa: Basotho
Mo setsong sa Basotho pele ga lenyalo le diragala, lelapa la monyadi , malome wa gagwe o tshwanetse go etela lelapa la monyadiwa go duela mahadi a monyadiwa.
se se ka fitlhelelwa ka go duela ka dikgomo kgotsa madi mo kokomaneng ya rona ya gompieno.
Mo nakong ya go ntsha mofero go tshwanetse ga nna le meletlo e le mebedi.
Wa ntlha o o tshwarwang ka Lamatlhatso fela o tshwarelwa kwa lelapeng la monyadiwa.
Mme malapa ka bobedi a tshwanetse go apara diaparo tsa bone tsa setso.
Lelapa la monyadiwa le tshwanetse go rulaganya moletlo, go rekela ba ba nyalanang dimpho.
Go tlhabiwa kgomo go amogela lelapa la bone le lesha.
Ka Latshipi lenyalo le tswelela kwa lelapeng la monyadi.
Lelapa la monyadiwa le tshwanetse go tlhokomela morwadiabone gore a nne mosadi yo o molemo.
Monyadiwa ba mo apesa diaparo tsa setso tse di tsamaelanang le tsa lelapa la monyadi.
Seno se dirwa mo mosong pele ga moletlo o simolola.
Morago ga moo, ka nako ya moletlo, lelapa la monyadiwa le tla mo neela monyadi le ba lelapa la gagwe.
Monyadiwa o tla naya monyadi metsi mme monyadi o tshwanetse go a amogela a bo a a nwa ka go dira jalo go tla bo go itsisiwe semmuso gore jaanong ba nyalane.
Buisa Gape: Ba-Ndebele ke bomang?
Translator: Onkarabile Manganye
