
Ka ga BaVenda
BaVenda ka kakaretso ba tsewa jaaka nngwe ya ditlhopha tsa bofelo tsa bantsho go tsena mo kgaolong e e kwa borwa jwa Noka ya Limpopo.
Hisitori ya bone e amana thata le hisitori ya matlo a baokamedi ba bone ba ba neng ba ba tlhatlhama.
Segolobogolo ba ba neng ba tswa mo go rraabonemogologolwane wa bone yo o tumileng, Thoho-ya-Ndou (Tlhogo ya Tlou).
Le fa go le jalo, BaVenda ba nnete ba ka aroganngwa ka ditlhopha di le pedi.
E leng setlhopha sa bophirima, se segolo sa tshimologo ya Singo.
Mme se tswa mo balateding ba baeteledipele jaaka Mphephu, Senthumule le Kutama.
Le setlhopha sa botlhaba se se neng se itsaya jaaka ditlogolwana tsa Lwamonde, Rambuda, Tshivashe le Mphapuli.
Go ne go dumelwa gore kgosi ya Singo e ne e ka sireletsa batho ba yone gore ba se ka ba tlhaselwa ke baba ba bone ka go letsa moropa o o kgethegileng o o bidiwang Ngoma Lungundo, (‘moropa wa baswi’).
Go ya ka ditlhamane, modumo wa moropa o ne o tla tshosa baba ba bone mme ba ne ba tla tshaba.
Bangwe ba BaVenda ba bolela gore kgosi eno e ne ya nyelela mo motseng wa yone bosigo bongwe.
E tshotse moropa ono o o kgethegileng mme ga ba a ka ba tlhola ba bonwa gape.
Go dumelwa gore kwa Mashovhela, “lefelo le meropa e ka utlwiwang kwa go lone”.
E leng lefelo le le nang le letamo la matlapa kwa Morning Sun Nature Reserve,.
O sa ntse o kgona go utlwa moropa wa yone.
O utlwala mo mekgokoloseng ya mafika.
Mme le tsewa e le lefelo la bobedi le le boitshepo thata mo setsong sa Ba-Venda.
Nngwe ya ditlhopha tse di kgatlhang thata le tse di tlhomologileng tsa batho ba moragonyana ba neng ba ikopanya le BaVenda ke Ba-Semite ba Baafrika, e leng Ba-Lemba.
Buisa Gape:Bakgatla ba Kgafela
Source:http://www.krugerpark.co.za
Translator: Onkarabile Manganye
