BaSwazi: Lotso lwa bone

Morafe wa BaSwazi, jaaka re o itse gompieno, o simologile kwa Mozambique.

Borraabonemogologolwane ba bona ba BaNguni ba ka tswa ba fudugetse koo pele ga Ngwagakgolo wa 16.

Seno e le karolo ya khudugo ya Bantu.

Baithutamarope ba fitlhetse masalela a batho kwa botlhaba jwa Swaziland.

 Go akanngwang gore a na le dingwaga di le 110 000 a le teng.

Ba-Swazi ba ne ba tshaba kwa legaeng la bone la kwa tshimologong ba ya kwa mokgatšheng wa Noka ya Pongola kwa KwaZulu Natal.

Ka lekgolo la bo19 la dingwaga ka ntlha ya kgatelelo ya selegae.

Ditlhaselo tsa BaNdwandwe moragonyana di ne tsa pateletsa BaSwazi.

Ba ba neng ba busiwa ke Sobhuza I wa Ba-Dlamini, gore ba fudugele kwa Mokgatšheng wa Ezulwini mo lefelong le gompieno le bidiwang Swaziland.

 Sobhuza e ne e le morwa wa ga Ngwane III, yo Ba-wazi ba mo tsayang e le kgosi ya bone ya ntlha.

Ba-Swazi ba ne ba leleka bontsi jwa ditlhopha tsa Basotho mo lefelong leo.

Mme Sobhuza o ne a nna mmusi yo o maatla go gaisa botlhe mo kgaolong eo.

 O ne gape a kgona go tila tlhaselo e e maswe go gaisa ya mfecane le ditlhaselo tse dingwe tsa MaZulu ka tirisano-mmogo.

Seno se ne sa dira gore setšhaba sa Ba-Swazi se gole fa ditlhopha tse dingwe tse di bapileng le sone di ne di kgaogana.

Kgosi e e latelang ya Seswati e e neng ya tsaya setulo sa bogosi e ne e le Mswati.

E ne e le mmueledi yo o nang le bokgoni e bile e le motlhabani.

Mme fa nako ya gagwe ya go busa e fela ka 1868, setšhaba sa BaSwazi se ne se sireletsegile.

Buisa Gape: Ka ga BaVenda

Source:http://www.sahistory.org.za

Translator: Onkarabile Manganye