Tsamaiso ya Ditumelo tsa Ba-Venda

Setso sa Ba-Venda se agilwe ka ditumelo tsa ditlhamane tse di nonofileng, tse di bonalang mo mokgweng wa bone wa botaki.

Metsi ke kgang ya botlhokwa mo go BaVenda.

Mme go na le mafelo a le mantsi a a boitshepo mo kgaolong ya bone.

Koo BaVenda ba ntshang mewa ya bagologolwane ba bone teng.

Ba dumela gore zwidutwane, (meya ya metsi), e nna kwa tlase ga diphororo.

Ditshedi tseno di bonwa fela ka bontlhanngwe,

Di na le leitlho le le lengwe fela, leoto le le lengwe fela le letsogo le le lengwe fela.

Karolo e nngwe e ka bonwa mo lefatsheng leno mme e nngwe mo lefatsheng la meya.

Ba-Venda ba ne ba ba isetsa dijo ka gonne di-zwidutwane ga di kgone go godisa dilo kafa tlase ga metsi.

Lengwe la mafelo a a boitshepo thata a Ba-Venda ke Letsha la Fundudzi.

Go belaelwa gore letsha leno, le le nosediwang ke Noka ya Mutale le lone ga le na metsi.

Gape go bolelwa gore ka dinako tse dingwe o kgona go utlwa pina ya Tshikona le mororo go lebega go se na ope koo.

Batho ba Ba-Venda ba na le kamano e e kgethegileng thata le Dikwena.

Lefelo le di nnang mo go lone le tletse ka digagabi tseno tse di kotsi.

Ba-Venda ba dumela gore boboko jwa Kwena bo na le botlhole jo bogolo, ka jalo ba Venda ba ba sa e tsomeng gore e nne dijo ba e naya tshwanelo ya go feta.

Motswedi:http://krugerpark.co.za

Thanolo ka ga Onkarabile Manganye