
Dikgato tsa lenyalo la SeZulu: Umembeso
Batho ba tlhakanya meletlo ya lobola le ya umembeso.
Tota ke dilo tse di farologaneng, le fa di dirwa ka letsatsi le le lengwe.
Le fa Lobola e ka tlhalosiwa bonolo fela jaaka tlhwatlhwa ya monyadiwa.
Umembeso kgotsa izbizo jaaka e bidiwa, ke go naya ba lelapa la monyadiwa dimpho, segolobogolo mmaagwe monyadiwa.
Ke tsela ya go mo leboga go bo a godisitse monyadi yo e tla nnang mosadi wa gagwe.
Lelapa la monyadi le fiwa lenaane la dimpho le batho ba ba tlileng go di amogela go sa le gale.
Go tswa foo ba kwalela ba lelapa la monyadiwa ba ba akantsha letlha la umembeso.
Dimpho tse ba di kopang di akaretsa dikobo, dituku , diaparo, magogo, ka dinako dingwe le podi e e tshelang.
Moletlo wa umembeso ga se fela go abelana dimpho, mme ke moletlo wa go bina le go tlhabiwa ga diphologolo.
Fa lelapa la monyadi le goroga le amogelwa ka pina le go bina kwa kgorong ya legae la lelapa la monyadiwa.
Malapa ano ka bobedi a gaisana ka go opela. Lelapa la monyadi le kopa tetla ya go tsena mo jarateng ka go itsise gore ba tlile ka dimpho.
Ka tlwaelo podi e apewa ke lelapa la monyadiwa jaaka tsela ya go amogela lelapa la monyadi kwa legaeng la bone.
Mo mabakeng mangwe dimpho tse dinnye le tsone di tla newa lelapa la monyadi.
Le fa go na le dikgato di le mmalwa tse di farologaneng tsa lenyalo la Sezulu mme umembeso ga se ya bofelo.
Batho bangwe ba e bona e le nako e monyadiwa a amogelwang semmuso ke lelapa la monyadi. se se raya gore monyadi le monyadiwa jaanong ba nyalane ka setso.
BUISA GAPE:MOLEMO WA ISITHEMBU- ngwao wa maZulu
SOURCE: ulwaziprogramme.org
