
Ka ga Batswana
Batswana ke ba karolo e e kwa bophirima ya Basotho, batho ba ba buang Se-Bantu ba Afrika Borwa le Botswana.
Batswana ba na le diteme di le mmalwa, tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe.
Ka palo, ke tsa Ba-Hurutshe, Ba-Kgatla, Ba-Kwena, Ba-Rolong, Ba-Thaping le Ba-Tlokwa.
Ba ne ba le dimilione di ka nna nne fa lekgolo la bo21 la dingwaga le ne le simolola.
Go ya ka ngwao, Motswana mongwe le mongwe o amana le setlhopha sa lotso lwa ga rraagwe.
Setlhopha sengwe le sengwe se amanngwa le letshwao le le farologaneng.
Letshwao le le dirisiwang jaaka tsela ya go bua le maitseo.
Mme ka dinako tse dingwe letshwao le le dirisiwa jaaka leina la lelapa.
Mo diyuniting tsa sepolotiki tse di itshepisang, segolo thata tse di kwa Botswana.
Yuniti ya motheo ya loago ke lephata, e leng setlhopha sa loago le tsamaiso se se ikemetseng.
Se se ka lemogiwang bonolo se se akaretsang malapa a le mmalwa a a amanang ka losika mmogo le ba ba tlhokometsweng le badiredi ba bone.
Gantsi moeteledipele wa yone ke tlhogo ya lelapa la maemo a a kwa godimo.
Le mororo go ikamanya le lephata le le rileng go le maatla.
Go ile ga nna le ditlhopha tsa dingwaga tse di neng di kgabaganya go ikanyega ga lephata.
Buisa Gape:Monyadi le monyadiwa: Basotho
Source:http://britannica.com
Translator Onkarabile Manganye
