Thutodinaledi ya Batswana

Thutodinaledi ke ngwao e e sa bolong go nna teng mo Afrika.

Ditlhopha tse di farologaneng tsa merafe di ne tsa itlhamela ditlhaloso tsa tsone.

Batswana ba ile ba dirisa sedirisiwa sa bone sa tlholego e leng leitlho go bona, go akgela le go bitsa dilo tsa legodimo tse ba di kgatlhegelang.

Go ya ka setso sa Batswana, dinaledi tsa tÅ¡haka ya ga Orion e ne e le “dintsa le Dikolobe”.

DintÅ¡a  tse tharo tse di neng di lelekisa dikolobe tse tharo tsa lebanta la ga Orion.

Batswana ba ne ba leba Milky Way e le Molalatladi.

Go ne go dumelwa molalatladi o ne o dira gore loapi lo se ka lwa phutlhama.

Ba ne ba dumela gore thuto dinaledi ke tsela ya bone ya go bona nako.

Bangwe ba ne ba bo ba bolela gore o ne o dira gore letsatsi le ye kwa botlhaba.

Go bolelwa gore ngwedi o tshwantshetsa mosadi; o ntsha lesedi.

Letsatsi lone le amanngwa le boitumelo.

Venus o bidiwa Mphatlalatsana (yo o phatsimang le yo o foufatsang) le Kopadilalelo (yo o batlang dijo tsa maitseboa).

 Khalendara ya borwa jwa Afrika e ne e na le malatsi a le 354.

 Kgwedi ya ngwedi ya malatsi a le 12 x 29.5.

Seno se ne se le khutshwane ka malatsi a le 11 go feta ngwaga wa letsatsi.

Tharabololo e ne e le go oketsa ka kgwedi e nngwe, fa go tlhokega.

Dingwaga di ne di le boleele jwa dikgwedi di le 12, tse dingwe di le 13.

Batswana ba ne ban ale tsela ya bone ya go dira thutodinaledi.

Buisa Gape: Diteme tsa Setwana: Batlhaping

Source:101lasttribes.com

Translator: Onkarabile Manganye