LOSO: Nako ya go khutsafala le matshwao a teng

Batswana ke batho ba ba akanyetsang ba bangwe. Ba akanyetsa thata batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone. Ke gone ka moo ba nnang le nako ya go khutsafala le maloko a a gaufi a lelapa.


Batho ba ba nyetseng: Batswana ba tshegetsa mosadi kana monna yo o swetsweng ke molekane wa gagwe. Go tsewa dikgato tsa go tlhomamisa gore di a tlhokomelwa. Mosadi yo o swetsweng ke monna wa gagwe (motlholagadi) o apara diaparo tse dintsho tse di bidiwang “roulu.” Diaparo tseno di tlhagisa banna gore mosadi yono ga a kitla a kgona go nna le bone ngwaga otlhe. Gape go dirwa go bontsha gore mosadi o sa ntse a hutsafetse mme o tshwanetse go tlhokomelwa. Monna yo o swetsweng ke mosadi (moswagadi) le ene o newa thuso e e ntseng jalo. Ga go na diaparo tsa banna, ba apara seaparo mo diatleng tsa bone.


Bana le maloko a a gaufi a lelapa: Bana ba ba swetsweng ke batsadi ba lebeletswe gore ba nne lefatla ka bonako fela morago ga phitlho. Batswana gape ba dumela gore ka dinako tse dingwe motho o nna le bomadimabe ka ntlha ya moriri wa gagwe. Bana ba newa letsela le ba ka le tshwarang mo diaparong tsa bone mo lefelong le le bonalang sentle. Seno ke go bontsha gore ba hutsafetse.


Gantsi nako ya go khutsafala e tsaya ngwaga. Morago ga ngwaga, boswa bo abelwa lelapa. Diaparo tsa moswi di abelanwa ke ba lelapa go gopola yo ba mo latlhileng.

BUISA GAPE: https://setsosarona.co.za/2025/03/04/go-thuba-loso/

Source: http://beingafrican.org

Translator: Onkarabile Manganye