Lenyalo la Sepedi

Mekete ya manyalo a Sepedi e dirile gore ba tlotliwe ke batho ba ba kgatlhegelang ditso tsa Seafrika.

 Maloko lelapa la monyadi le monyadiwa ba kopana mmogo go sa le gale go tla go tlotla ka lenyalo le. Se  se botlhokwa le go feta ke mahadi kgotsa lobola (tlhwatlhwa ya monyadiwa).

Ba lelapa la monyadiwa ba kopa dilo dingwe mo batsading ba monyadi gore ba newe morwadiabone. Dilo tse di tlwaelegileng tse ba di kopang di akaretsa madi le leruo.

Lenyalo la Sepedi ga le tshwarelwe kwa kerekeng mme le tshwarelwa kwa legaeng la monyadiwa kana monyadi.

Fa monyadiwa a sena go apara seaparo sa gagwe sa lenyalo, o tla ya kwa nokeng go ya go batla metsi le dikgong tse di lekaneng tsa moletlo.

Seaparo sa gagwe se tla bo se dirilwe ka letlalo la kgomo mme se bidiwa dintepa. Monyadi a ka nna a tlhopha go apara sutu ka letsatsi le legolo.

Fa monyadiwa a sena go kgobokanya metsi le dikgong tse di lekaneng, le go wetsa ditiro tse dingwe tse a tshwanetseng go di dira, o siametse go ya kwa monneng wa gagwe yo o tla mo nyalang.

 Fa a ntse a tsamaya, mmaagwemogolo o mo fefera fa pele ga gagwe go mo thusa gore a se ka a tsena mo tseleng. Moletlo ono le go o tshameka go dira gore go nne monate thata go keteka.

Fa banyalani ba sena go nyalana, baeng ba tla itlhaganelela go ba akgola. Morago ga moo, kgomo kgotsa nku e a tlhabiwa. Nama  ya teng e kgaoganngwa ka go lekana mo malapeng ano a mabedi.

Fa dilo tseno di sena go dirwa, monate o a simolola. Mmino, go bina, go ja le go nwa ke dilo tse di tlwaelegileng mo meletlong ya manyalo ya Sepedi.

BUISA GAPE:Dikgato tsa lenyalo la SeZulu: Umembeso

Source: sa-venues.com

Translator: Onkarabile Manganye