MOLEMO WA ISITHEMBU- ngwao wa maZulu

Isithembu, ke ngwao wa Sezulu, o dumelela banna gore ba nne le basadi ba le bantsi. Melemo ya Isithembu ke e me ntsi.

Thuso ya madi ea oketsega fa bagolo ba le bantsi ba nna le seabe mo ditshenyegelong tsa lelapa. Ditiro tsa mo gae di kgaoganngwa ka batho ba le mmalwa, mme seo se fokotsa tiro. Maloko a le mantsi a lelapa a ka go ema nokeng mo maikutlong. Go godisa bana mmogo go dirwa motlhofo ka gore bagolo botlhe ba nne le seabe mo go tlhokomeleng bana. Isithembu se ka dira gore motho a kgone go tshola bana ba le bantsi le go oketsa dingwaga tsa go tshola bana.

Isithembu se dira gore banna ba kgone go nna le dikamano tsa sepolotiki le ditlhopha tse di oketsegileng tsa losika. E ka dira gore basadi le bana ba hume le go nna le botsogo jo bo botoka. Le fa go ntse jalo, gape go akaretsa go nna le dikgotlhang mo lelapeng. Mo ditsong tse dingwe, isithembu se tsewa e le tsela ya go tlhomamisa gore lelapa le tswelela pele le le gone. Le fa go na le melemo, go ka nna thata mo basading ka ntlha ya setso le molao. Ka kakaretso, isithembu e santse e le karolo e e botlhokwa ya ngwao-boswa ya setso sa MaZulu.

BUISA GAPE: https://setsosarona.co.za/2025/02/19/bogadi-ngwao-wa-dituelo-tsa-ngwetsi/

Source:eshowe.com

Translator: Onkarabile Manganye