Go Thuba Loso

Batswana ba na le melao e e gagametseng ka tsela ya go thuba loso. Ba na le dikamano tse di nonofileng tsa lelapa, ka jalo dikgang tsa loso di tsewa di le masisi. Go thuba loso go tlhoka bokgoni jo bogolo jwa go buisana.

Go ya ka setso, ba lelapa ba ba gaufi thata ke bone ba ntlha go itsisiwe. Seno ke go ba thibela go utlwa ka loso lwa gagwe go tswa mo bathong ba ba sa ba itseng. Ka tlwaelo, malome o ne a tsamaya ka ntlo le ntlo a itsise ditlhogo tsa malapa. Mosha o ne a tsewa e le ene a ka dirang tiro eno fa e le gore o ne a tshwanetse go tsamaya sekgala se seleele. Mme gompieno batho ba dirisa difouno tsa selula le metswedi ya tshedimosetso go itsise ka loso. Le fa go ntse jalo, go tsewa go le phoso go kwala ka loso pele ga ba lelapa ba itsisiwe.

Fa moswi a le ka fa tlase ga dikgwedi di le thataro, go itsisiwe fela ba lelapa la gagwe ba ba gaufi. Mo setlhopheng seno sa dingwaga, nako ya go hutsafala ke diura di le 24 fela. Maloko a setšhaba a tla utlwa dikgang tseno, mme ke batho ba ba godileng fela ba ba letleletsweng go nna teng.

BUISA GAPE: https://setsosarona.co.za/2025/03/03/molemo-wa-isithembu-ngwao-wa-mazulu/

Source: beingafrican.org

Translator: Onkarabile Manganye